SEPATELA SA SCOTISH LIVINGSTONE SE SIMOLODISITSE LETSHOLO LA LOARO LA LETHA LA MATLHO ( CATARACT)

Sepatela sa Scotish Livingstone mo Molepolole se e leng boremelelo mo kalafing ya matlho se tlaa simolosa letsholo la go alafa batho bolwetsi jwa  letha la matlho (cataract) go simolola kgwedi eno ya lwetse e le lesome (10th September) go fitlha Diphalane a le lesome le bobedi (12th October)

Se se boletswe ke moanamisa mafoko a sepatela sa Scotish Livingstone Mme Nthabiseng Dikgang mo puisanong le Kweneng Chronicles.

Letsholo le maikaelelo a lone ke go lwantsha go foufala mo go bakiwang ke bolwetsi jwa cataract. Ka Letsholo le Sepatela se ikaelela go dira batho ba le 600 loaro la matlho go ntsha  cataract mo go bone.

Loaro le le tlaa dirwa fela mo go baba tlhatlhobilweng mo nakong e e fitileng e bile ba setse ba boleletswe gore ba tle loarong.

Kokelwana ya baitsanape ya matlho  ya sepatela (eye specialist clinic)e tlaa tswalwa mo lobakeng le go fitlhela letsholo le tla bokhutlong. Kokelwana ya matlho ya malatsi o tlhe (general eye clinic) yone e tlaa tswelela e butswe mo lobakeng lotlhe la letsholo le.

Mme Dikgang o rotloeditse gore botlhe ba ba laladitsweng go tlaa loarong ba tle ka dinako le malatsi a ba ba boleletsweng.

#buykweneng
#etelaKweneng
#sengwelesengwesekomokwena
#kwenengfirst
#allaboutkweneng
#kwenengchronicles

www.kwenengchroniclesbw.com

www.youtube.com/  @kwenengchronicles9513

Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories

About admin

Check Also

HELP MOLEPOLOLE  POLICE ARREST DELINQUENT MOTHER

Molepolole police are appealing to members of the public to help with any information that …

Leave a Reply