
Kweneng Chronicles e ne ya buisana le mothusa Kgosikgolo ya Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi ka kgang e. Kgosi Mhaladi a re monna ke ene a latelang mosadi o nyetsweng go mo kopa lorato. A re mme ka molao wa Setswana, fa o latela mosadi yo o nyetsweng o bo o tshola ngwana, o a sekisiswa o bo o atlholwa kgomo tse boferabobedi.
O tsweletse a tlhalosa fa o ka seke wa letlelelwa go tla go tlhola ngwana kgotsa go mmona ka ke lenyatso. O iteetse kobo moroko ka gore ga se gone gore nyatsi e ka tla mo lapeng la motho o nyetsweng.
‘Monna le mosadi bone ba ka itshwarelelana ka jaana ba nyalane,’ a tlhalosa.
Kgosi o tlhalositse fa ka Setswana go le dingalo gore o re ngwana yo o ke wa gago gonne le fa tsholwa o ya go fana ka sefane sa bogadi ja mmaagwe. A re go fa sebaka leoto la boraro mo nyalong go bona ngwana e tla a bo e le lenyatso le go gogobisiwa seriti sa lenyalo.
Kweneng Chronicles Our People | Our Places | Our Stories