MORAFE O ABETSE KGOSI KGARI III DIMPHO

Morafe wa Kweneng o abetse Kgosi Kgari III dimpho ka Labotlhano wa beke e fetileng ko kgotleng kgolo ya Bakwena mo Molepolole.

Mo potsolosong le Kweneng Chronicles, Kgosi a re o filwe madi a a fetang P30 000, dikgomo tse pedi, nku le podi tse pedi.

A re barulaganyi ba tlhalositse fa mpho e e ne e tshwanetse go nna ya letsatsi la matsalo a gagwe ngwaga o fetileng. Mpho e e tswa mo morafeng le maphatha a puso.

Moletlo o ne o tsenwe magareng ga ba bangwe Kgosi Malope II, dikgosi tsa Kweneng le badirelapuso.

E ne ya re malobanyana fale, mongwe wa komiti e nneng e baakanyetsa tiro e Portia Seduledi a bolelela Kweneng Chronicles fa maikaelelo e le go lemoga le go leboga boeteledipele jwa ga Kgosi Kgari.

Mma Seduledi a re Kgosi o tlogetse tiro ya gagwe ya borutabana e e ka bong e ne e ka mo fa tsholofelo ya go bona maemo a a rileng mme a ikgethela go etelela Bakwena. 

Mma Seduledi o boletse fa Kgosikgolo a eteletse pele metse e ka nna masome a matlhano le botlhano mo Kweneng ka bophara.

www.kwenengchroniclesbw.com

Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories

About admin

Leave a Reply