Bangwe batsadi mo Molepolole ba lela ka seemo se bana ba bone ba ba tlogelang le bana mme ba ele ruri ko ditoropong ba sa ba tlhokomele.
Ba boletse se mo puisanong le Kweneng Chronicles gore bommabana ba ya go batla ditiro mme ba itebatse tlhokomelo ya bana ba bone.
Mongwe wa basadibagolo yo o kopilweng go sa buiwa leina, a re makgarejwana a gagwe a amogela madi a tlhokomelo ya bana ko ga mmakaseterata mme ba a dirisa go intlafatsa fa ene a patelesega go tlhokomela bana ka madi a bogodi.
E re go le jalo, motsadi o mongwe o boletse fa bana ba basimane le bone ba kgatlhwa ke go imisa mme ba sa kgone tlhokomelo. A re go ba tlhabisa ditlhong go kopa go bona bana ba bone ka ba tshaba dipuo tsa bommabana.
“Kana ngwana ga a ture fa a sale monnye, batsadi ba segompieno ba a mmakatsa gobane ba nale madi a mokgabo le menate mme tlhokomelo ya ngwana e pala.”
Bagolo ba re ba tshela ka dipelo tse di botlhoko ke go tlogelwa ka dikokomane mme ba gakolotse fa batsadi ba segompieno ba tla itshela dikgaba.
E re go le jalo, ba kopile ba ba duelelang bana madi a itshetso ko ga mmakaseterata gone ba latedisa fa madi a bereka se a se ntsheditsweng.
“Ngwana ke selwana, mme lona le mo fetotse phutso,” ga digela mogolo.
#buykweneng
#etelaKweneng
#sengwelesengwesekomokwena
#kwenengfirst
#allaboutkweneng
#kwenengchronicles
www.kwenengchroniclesbw.com
www.youtube.com/ @kwenengchronicles9513
Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories
Kweneng Chronicles Our People | Our Places | Our Stories