Kweneng Land Board E Tla Aba Ditsha Di Le 3000 

Modulasetilo wa lekgotla la kaboditsha la Kweneng Rre Kgang Kgang a re ba mo dipuisanong tsa go tsaya  sekidi sa lefatshe (woodlot) le le bapileng le mabitla a ga Ranta. Kgang o boletse se mo potsolosong le Kweneng Chronicles. O tsweletse ka go tlhalosa fa Bakwena ba atlile mogopolo o. O boletse fa go tla a tswa ditsha dika nna makgolo a marataro.

O tsweletse a tlhalosa fa go na le dingwe (properties)tse ba  leng mo dipuisanong go di tsaa jaaka tsa ga Rre Potsanyane o o itsegeng ka leina la Legwatagwata. Kgang a re ba buile le magosi gore go thibiwe diphatlha mo dikgotlaneng ka jaana go ka tswa ditsha tse dintsi.

“Potso ya gore go ka tswa ditsha tse kae e dingalo ka gore ditsha ga se tsa bonno fela, go na le mabala, dikolo le dikereke jalo jalo,” a tlhalosa jalo. A re matlotla go buiwa le beng pele a tsewa.

Maiteko a a go baya a tla a dirwa ngwaga o o tlang. O tlhalositse fa ba solofetse go ntsha ditsha di le 3000 mo Kweneng mo go 100 000 o tautona a rileng  a bewe.

Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories

About admin

Check Also

HELP MOLEPOLOLE  POLICE ARREST DELINQUENT MOTHER

Molepolole police are appealing to members of the public to help with any information that …

Leave a Reply