Mosimolodisi wa Re a nyalana Mme Anna Morwaagole o kopile gore go rotloediwe Batswana go nyalana. A re BoMmaboipelego, Baruti, Dikgosi le Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ba tshwanetse go kwadisa batho mme go tswa foo ba ba bitse.
Mo potsolotsong le Kweneng Chronicles, Morwaagole o boletse fa Dikgosi le Bommaboipelego e le bone gantsi ba tshereganyang dikgang tse di bakiwang ke go nna mmogo go sa nyalanwa. Godimo ga moo, o gakolotse baruti go kwadisa batho ba ba sa nyalanang mme ba nna mmogo mo dikerekeng tsa bone e bo ba a fa Dikgosi maina ao gore ba nyadisiwe.
“Re a nyalana e buletse mongwe le mongwe dikgoro go sa kgathelesege seemo sa gagwe sa itsholelo,”a tlhalosa jalo.O bile a bolela fa go nyalana go thusa gore bana ba seka ba amogwa boswa fa batsadi ba tlhokafala le gore fa go nale bana ba ba tshotsweng ko ntle ga lenyalo ba bone boswa.
“Pele ba nyalana, re dira thuto seka dipuisanyo mo re ba rutang ka methale e farologaneng ya lenyalo jaaka tlhakanelo dithoto jalo jalo.” Morwaagole a re ba ruta thata ka ‘prenuptial agreement’, e leng tumalano e yo o ipaakanyetsang lenyalo a e bayang monwana go tsaya bontlha bongwe jwa dithoto tse a di kgobokantseng a di neela bana mme morago tse di setseng a tsene ka tsone mo nyalong.
“Mo kgannyeng ya gore re apesa batho masire a vintage a sa kgatlheng, go ntse jaana, re fiwa masire ao ke batho mme banyalani ba re a nyalana ke bone ba a itlhophelang. Rona re e tle re gakolole gore motho a ikaparele mosese wa gagwe fela a bo a baakanya moriri a nna montle mme ga ba dumele.”
Mo bogaufing re a nyalana e ne e nyadisa ko Sorilatholo mme go na le bangwe ba ba setseng ba ba tla a boelwang go tla go nyadisiwa. E re go le jalo, ba Kaudwane le bone ba ithulagantse mme ba tla nyadisiwa mo nakong e e sa fediseng pelo.