Banni ba Gamodubu ba kwaletse molaodi le ofisi ya mosireletsi ba ngongorega ka kakanyo ya go ala ditena go na le go tsenya sekontere.
Ba re tsela e bophara e bile e diriswa ke diteraka tse di latlhang matlakala fa lehuting mme ditena di ya go babalelwa mo nakong e khutshwane
Banni ba tlhalositse mo mokwalong gore fa go sena madi a sekontere, go tshelwe gravel mme e tsholediwe e bo e baakanngwa kgapetsakgapetsa.
Godimo ga tse tsotlhe, banni ba kopa bokopano le ba ba maleba gore therisano e nne teng e seng mo go dirafetseng gompieno ba solofeditswe sekontere mme jaanong go twe go ya go alwa ditena.
#buykweneng
#etelaKweneng
#sengwelesengwesekomokwena
#kwenengfirst
#allaboutkweneng
#kwenengchronicles
www.kwenengchroniclesbw.com
www.youtube.com/ @kwenengchronicles9513
Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories
Kweneng Chronicles Our People | Our Places | Our Stories