O tsweletse a tlhalosa fa go na le dingwe (properties)tse ba leng mo dipuisanong go di tsaa jaaka tsa ga Rre Potsanyane o o itsegeng ka leina la Legwatagwata. Kgang a re ba buile le magosi gore go thibiwe diphatlha mo dikgotlaneng ka jaana go ka tswa ditsha tse dintsi.
“Potso ya gore go ka tswa ditsha tse kae e dingalo ka gore ditsha ga se tsa bonno fela, go na le mabala, dikolo le dikereke jalo jalo,” a tlhalosa jalo. A re matlotla go buiwa le beng pele a tsewa.
Maiteko a a go baya a tla a dirwa ngwaga o o tlang. O tlhalositse fa ba solofetse go ntsha ditsha di le 3000 mo Kweneng mo go 100 000 o tautona a rileng a bewe.
Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories

Kweneng Chronicles Our People | Our Places | Our Stories