A kagiso ya Modimo e nne le lona … Pelo yame e bothloko fela thata kaTiragalo ya maabane ko Molepolole go bapa le Rona ko kgotleng ya Borakalalo…
Mosimane yo dirileng thulaganyo ya bosataan ya go bolaya motho Ke motho yo Ke mo godisitseng e le ngwana waga Muin Tajbhai o bidiwa Mohammed Sadique ..
Mosimane dingwaga tsa maloba o ne a supa a sa siama thaloganyo.. Ile mosimane yo senyang a senyetsa le ko ga bone thata mo Gaborone.. Nako tsedingwe a siame sentle fela Ile motho. O ne a supa lorato mo bathong a dirile bana dijo ba ba ko old naledi le ba bannang fa go bapa le di shopo tsa Maruapula.
Okille a ya toronkong a bo a isiwa ko Sabrana ko Mental ya Lobatse … A tswa a ba bosiwa teng a bo a tswa gape gotwe osiame …
Ga gona thaloso e ka buiwang e ka tlang ya phemola dikeledi le bothloko jwa seemo se releng mogo sone…. Motho yo bolailweng o ne a le bothlokwa mo masekeng le ditsala le sechaba.. Ga gona sepe se se ka buiwang go mmusetsa mo botshilong…
Mme re kae thuta gore mosimane yo ka o ne a Nna a tshwenyegile ko lwapeng o ne a heletsa a nwa a tsaya ditagi tse do sentseng thaloganyo ko bofelong SATAAN was tsena mothlofo e bo go diragala jaka go diragetse.. Goraya gore ba reitseng Batho ba ba tshwenyegileng re ba ele thloko re bone thuso e ba kae bonang… Batsadi ba seka ba tabogà gontsha bana ba bone ko torokong le ko bo Mental…
A re thlokomeleng …
Bakwena le tla gakolegela gore gone go sa siama nako engwe ko Kgotleng ya Ntloelengwae ..Mosimane a bolaya batsadi le monnawe bothloko… E ne Ile kgang ya di drugs… Thlokomeleng re tshileng sentle Batswana
A Modimo a re sereletse mo ditirong tsa ga SATAAN…
 Kweneng Chronicles Our People | Our Places | Our Stories
Kweneng Chronicles Our People | Our Places | Our Stories
				 
			 
						
					 
						
					 
						
					