KWENENG CONVERSATIONS:
A SEYANTLO SE SANTSE SE KA BEREKA MO MALATSING A GOMPIENO.
Kweneng Chronicles e ile ya buisanya le Mothusa kgosikgolo ya Bakwena Lawrence Mhaladi ka tsamaiso e ya Setswana le gore a mme e santse e le teng. Kgosi o tlhalositse fa Seyantlo se sa tlhola se dirwa e bile se sa bereke. Seyantlo e ne e le tsamaiso ya Setswana ya bogologolo ya gore fa motho a swetswe ke molekane a bo a nyalwa ke monnawe kgotsa mogolowe moswi.
A re gompieno go makowa mme tlhokomelo e ya bana ba moswi e ne e tsenya le go alela. “Ke kgokgontsho, motho o mo bohutsaneng mme o bo okeletswa ka go nyadisiwa motho wa rre yo a sa mo tlwaelang.”
O boletse fa se se sa siama ka motho o batlelwa motho o a sa mo rateng ebile ba sa tsamaisane.”Ke go ineela ga mosadi fela e bile go ne go dirwa mo basading fela. Its old fashioned.” Kgosi a tlhalosa.
Maikutlo a gago ke afe ka tsamaiso e le gore a e santse e ka dirwa mo bogompienong?
www.kwenengchroniclesbw.com
www.youtube.com/ @kwenengchronicles9513
Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories
Pic: internet
Kweneng Chronicles Our People | Our Places | Our Stories