Mopalamente Rre Oabile Regoeng o itsisitse banni ba kgotla ya Goo Modibedi mo Molepolole fa e tla a re mo Palamenteng e tlang, go buisangwe ka molao kakanyetso wa go letlelela gore batho ba bong jo bo tshwanang ba nyalane. Se se latela phenyo ya kgang e ko kgotlakgokolo ya boikuelo. Banni ba mo kgwile dikgaba jaana:
Boitumelo Sekgopi: “ke matlhabisaditlhong. Mosimane o itlhele a itogile a itsmaisa jaaka mosadi fa mosadi ene a bobora jaaka monna. Ke reetsa dikgang, ko Uganda ga ba batle dilo tse”
Basimane Bile: “molao kakanyetso oo ga o ka pasa o ya go re tsenya mo mathateng. Baebele ya re monna ga a na tshwanelo mo mmeleng wa gagwe fa e se mosadi. Le mosadi fela jalo. Fa le ka fetisa molao o wa go nyalana ka bong bo le bongwe, re tla a bo re tlodile molao wa Modimo”
Letsema Barateng: “itse gore fa o le ko godimo ko court of appeal go nale Modimo o ko godimodimo gago. A re se tseeng ditshwetso ka boikgantsho”
Maikutlo a gago ke afe ka kgang e?
Pic cred: CREDIT: All African LGBTQ We have rights too.
www.kwenengchroniclesbw.com
www.youtube.com/ @kwenengchronicles9513
Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories
Kweneng Chronicles Our People | Our Places | Our Stories