BANNI BA MOTSE WA SUPING BA KOPA GO  AGELWA SEKOLO

Banni ba motse wa Suping  ba kopile go agelwa sekolo se se botlana. Ba buile se mosong ono mo phuthegong e neng e buisiwa ke Modulasetilo wa Khansele ya Kweneng, motlotlegi Rre Allen Jacob fa a ba lekodisa ka ditlhabololo tse di tla dirwang mo Kweneng.

Banni ba tlhalositse fa go tlhoka sekolo mo motseng wa bone go sa ba jese diwelang ka jaana bana ba tsamaa sekgele se se leele go ya dikolong ko Molepolole le Mogonono mme se se beye matshelo a bana mo diphatseng, ka ba patelesega go ralala sekgwa le lefifi. Ba boletse fa  se se neela dirukutlhi  sebaka sa go tlhasela le go thubetsa bana ba bone.

Motlotlegi Rre Jacob, fa a ba lekodisa ka ditlhabolo tse di tla dirwang mo Kweneng are dingwe tsa tsone ke kago ya di Ofisi ya Kgosikgolo, diofisi tse pedi tsa sepodisi (satellite police offices).

Banni ba supile fa ba itumele maiteko a a puso. Bare kago ya diofisi tse e tla fokotsa mosuke mo go tse ntseng dile teng.

www.kwenengchroniclesbw.com

www.youtube.com/  @kwenengchronicles9513

Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories

About admin

Check Also

HELP MOLEPOLOLE  POLICE ARREST DELINQUENT MOTHER

Molepolole police are appealing to members of the public to help with any information that …

Leave a Reply