BANNI BA KGOTLA YA GANTSHONYANE BA TLA AGELWA SEKOLO

Banni ba kgotla ya Gantshonyane mo Molepolole ba tla a agelwa sekolo se se botlana mo ngwageng ono wa madi.
Sekolo se se tla a tsaya baithuti ba mophato wa ntlha go ya go tsena ko go wa bosupa.

Go ya ka mokhanselara wa Lekgwapheng, Segolobe Mokanyane, ba setse ba sekaseka mafelo a a senang dikago go ka akanyetsa gore sekolo se agiwr kae.
O boletse fa kago e tla a tsaya selekanyo sa ngwaga mme a solofela fa e tla a thapa batho ba ka nna lekgolo.

Mokanyane a re kago e e imolola batsadi ka jaana ba ntse ba duela dipalamo go tsaya bana ba ba tsenang kgakala.
“Ba bangwe ba tla a sireletsega ka ba itsamaa ka dinao mme go le borukutlhi jalo matshelo a nna mo diphatseng.”
Gantshonyane o na le kgotla le kgosana mme banni ba solofela e tlaa nna kgaolo e e ka nnang le mokhanselara ka jaana ba le bantsi ka dipalo

www.kwenengchroniclesbw.com

www.youtube.com/  @kwenengchronicles9513

Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories

About admin

Check Also

HELP MOLEPOLOLE  POLICE ARREST DELINQUENT MOTHER

Molepolole police are appealing to members of the public to help with any information that …

Leave a Reply