Go ntsifala ga dibara mo motseng wa Gabane ga go robatse bogogi ja motse. Kgosi Seeletso Pule a re modumo o montsintsi o o simolola ka Labone go tsena Sontaga beke le beke.
Kgosi o tlhalositse fa ba sa itse ko ba ka bonang thuso teng gonne le tsone dikotlhao di le ko tlase fa motho a ile ko go ba molao. Motse wa Gabane o tumile ka dibara le maitiso a a loileng a a okang bangwe go tswa ko toropong ya Gaborone.
E re go le jalo, Kgosi o ile a lemoga fa bangwe ba itshetsa ka go rekisa dijo mo pele ga tsone dibara tse. A re ga ba a re dibara di tswalwe, ba kopa modumo o fokodiwe gore ba ba batlang go itheetsa kgotsa ba le mo dintshong ba kgone dira jalo mo tidimalong.
#buykweneng
#etelaKweneng
#sengwelesengwesekomokwena
#kwenengfirst
#allaboutkweneng
#kwenengchronicles
www.kwenengchroniclesbw.com
www.youtube.com/ @kwenengchronicles9513
Kweneng Chronicles-Our People Our Places Our Stories
Kweneng Chronicles Our People | Our Places | Our Stories